SETSWANA
PUO MO THUTONGSEABE SA PUO MO THUTONGBoto ya PanSALB e ikaelela:
- Go rotloetsa tiriso ya dipuo tsa ntlha jaaka dipuo tse di ka dirisiwang go ithuta le go ruta;
- Go tshegetsa mogopolo wa thuto ya puo ya ga mme/ya kwa gae go tloga kwa legatong la poraemari go fitlha kwa legatong le le kwa godimo go gaisa la thuto;
- Go tshegetsa tokafatso ya barutisi mo porofešeneng ya bona le go le go tlhagisa dilo tse di tla dirisiwang go tsholetsa seemo sa dipuo tsa ntlha;
- Go rotloetsa tiriso ya dipuo tse dintsi kwa dikolong;
- Go tlhabolola maano le matsholo a a rotloetsang tiriso ya dipuo tsa mefutafuta mo thutong
- Go supa dikarolo, tsa puo mo thutong, tse di ka dirang gore go nne le tlhabololo e nngwe ya puo; le
- Go dira jaaka bothati jwa bogakolodi jwa Lefapha la Thuto mo dintlheng tse di ka ga pholesi le go tlhamiwa ga manane.
MOSOLA LE DITLAMORAGO TSA PUO MO THUTONG
Puo mo Thutong ke mooko wa tlhatloso le tlhabololo ya dipuo tsa Aforika Borwa, bogolo segolo dipuo tse di neng di kgaphetswe thoko mo nakong e e fetileng. Boto ya PanSALB e tshegetsa:
- Go tsewa tsia, go tlhatlosiwa le go tlhabololwa ga dipuo tsotlhe tsa Aforika Borwa, bogolo segolo tse di neng di kgaphetswe thoko mo nakong e e fetileng, ka tiriso ya pholesi ya thuto ka puo ya legae le tiriso ya dipuo tse dintsi
- Diphitlhelelo tsa dipatlisiso tse di dirilweng go fitlha ga jaana, tse di gatelelang mosola wa go dirisiwa ga puo ya kwa gae jaaka puo e e dirisiwang go ithuta le go ruta gore go nne le tlhabololo e e bonalang mo dingwageng tsa tshimologo; le
- Mogopolo o o supang gore motheo o o tsepameng wa thuto o ikaegile ka tlhabololo e e bonalang ya go sa le gale.
TIRISO YA DIPUO TSE DINTSI MO THUTONG
Pholesi ya Puo ya Aforika Borwa e supa seemo se se tsepameng sa tiriso ya dipuo tse dintsi. Thuto ya tiriso ya dipuo tse dintsi e kaya go tlamela ka thuto e e bokgoni ya dipuopedi. Ka go tsenya tirisong pholesi eno, go tshwanetse ga nna le diphelelo tse di latelang:
- Maatlafatso le tlhabololo ya bosetšhaba ya batho le baagi;
- Go potlakisa ditlhabololo ka kgodiso ya tiriso e e lekalekanang ya dipuo tsa semmuso mo Aforika Borwa, go gatelelwa thata dipuo tse di neng di kgaphetswe thoko mo nakong e e fetileng;
- Temogo e e oketsegileng ka matsholo a ditshwanelo tsa puo, gammogo le phitlhelelo e e lekalekanang ya kitso le tshedimosetso ke baagi botlhe; le
- Koketsego ya maikutlo a kopano ya setšhaba gammogo le boleng jwa ditso tse dintsi tse di bontshiwang ka tiriso ya dipuo tse dintsi
Sentle-ntle tiriso ya dipuo tse dintsi e kaya gore le fa puo ya kwa gae e tlhopiwa jaaka puo e e dirisediwang go ithuta le go ruta, go tshwanetswe/gongwe go ka tlalelediwa ka puo ya bobedi ka nako e le nngwe, e e ka nnang serutwa fela gongwe e ka nna puo ya bobedi e e dirisediwang go ithuta le go ruta.Puso le Lefapha la Thuto di tshegetsa thulaganyo ya tlaleletso ya tiriso ya dipuo tse dintsi.Boto ya PanSALB e tsaya tiriso ya dipuo tse dintsi e le mooko wa tlhabololo le kgodiso ya dipuo tsotlhe tsa semmuso mo Aforika Borwa, bogolo segolo tse di neng di kgaphetswe thoko mo nakong e e fetileng, Puo ya Aforika Borwa ya Matshwao gammogo le dipuo tsa Sekhoe, Sesan le Senama.Ka ntlha ya go nna teng ga dipuo tsa mefutafuta e le sekgoreletsi sa puisano magareng ga ditso tse di farologaneng, boto ya PanSALB e dumela gore go godisiwa ga tiriso ya dipuo ka mefutafuta ke mokgwa o o eletsegang e le ruri wa go fitlhelela puisano.
FORAMO YA DIPUISANO YA BARUTISI
- Foramo e tla bopiwa e le serala se se ka dirisiwang ke barutisi go amogana kitso ya seporofešenale le megopolo.
- E tla thusa go reba sekgala se se leng gona magareng ga barutisi gammogo le go fedisa maikutlo a go kgaphelwa thoko magareng ga barutisi.
- E tla thusa go tsosolosa dipatlisiso magareng ga baithuti le barutisi ba ba farologaneng.
- Go amogana mekgwathuto mo seemong sa tiriso ya dipuo tse dintsi go ralala mananethuto go tla rotloediwa ke tiro ya yona.
- Mowa wa tsosoloso o o aparetsweng ke go amogana megopolo o ka godisiwa ka tiriso ya dipuo tse dintsi.
- Go nna teng ga foramo go tla kgontsha gore mogopolo wa kgolagano ya botsalano le tirisano le ditoropo tsa mafatshe a sele o tsenngwe tirisong.
- Kgolagano ya botsalano le tirisano le ditoropo tsa mafatshe a sele e tla dira gore go nne le Foramo ya Baithuti, e e ka golang go nna kgolagano ya go ralala lefatshe (Sekhutlhwana sa baithuti sa metlotlo ka dipuo tsa mefutafuta)
DIPATLISISO LE TLHABOLOLO
Dipatlisiso le tlhabololo (tshoboloko, dintlha tsa kgolagano le kgokagano).Diporojeke tse di konoseditsweng
- Ka moo baithuti ba bonang go rutwa le go ithuta Sethosa e le puo ya ntlha kwa Dikolong tse dikgolo tsa Kapa Botlhaba le Bophirima ka G. Barkhuizen.
Maitlhomo magolo a mmatlisisi e ne e le go lemoga gore ke eng se se bakang tiro e e bokowa le go tlhoka kgatlhego mo dipuong tsa bantsho. (tobetsa go bona tshedimosetso e nngwe)
- Kokoanyo ya dipuopedi (Sekgowa/Sesotho sa Leboa) ya dipampiri tsa dipotso tsa maloba tsa Physical Science tsa lekwalo la materiki gammogo le ditharabololo tsa tsona ka P.T. Pare.
Diphitlhelelo di tshwanetse go sedimosa gore a tiro ya moithuti e tokafetse ka ntlha ya tiriso e nngwe ntle le Sekgowa fa go boelediwa. (Tobetsa go bona tshedimosetso e nngwe.)
- Katlego ka kitso ya go buisa le go kwala, Seema 2 le 3 ka Porojeke ya Molteno
Porojeke eno e ne e ikaegile ka go tlhama dilo tse di dirisediwang go ruta barutwana ba Seema 2 le 3. Dilo tse di rutang tse di tlhamilweng di godisa tiriso ya leleme la ga mme le/kgotsa tiriso ya dipuo di le pedi go ruta. Go bonala fa motheo wa ga MacDonald wa tshekatsheko le pegelo e le tshedimosetso ya botlhokwa tota mo bathong ba ba tlhamang dilo tse di dirisiwang go ruta. (Tobetsa go bona tshedimosetso e nngwe.)
- Seema 1 Porojeke ya go itse go buisa le go kwala ya Leleme la ga Mme ka Porojeke ya SAILI
Porojeke eno ya tlhabololo e ikaelela go tlhoma motheo o o tsepameng gore morutwana mongwe le mongwe a kgone go tlhaloganya dintlha tsa dipalo, go tlamela barutabana ka bokgoni jwa go ruta go buisa le go kgona go emela tiriso ya dipuo tse dintsi mo phaposiborutelong (kitsopedi) (Tobetsa go bona tshedimosetso e nngwe.)Diporojeke tse di tsweletseng ga jaana
- Porojeke ya sebedi ya dikolo tsa bogareng ka P Plüddemann.
Maikaelelo a patlisiso eno ke go lwantsha mogopolo o o anameng wa gore Sekgowa ke sona fela puo e e nang le boleng jwa thuto. (Tobetsa go bona tshedimosetso e nngwe.)
- Patlisiso ya diphelelo tse di ka nnang teng tsa thuto ya Sekgowa mo bokgoning jwa puo ya kwa gae ka S. SuzmanPatlisiso eno e ikaelela go sekaseka tshusumetso ya Sekgowa mo bokgoning jwa puo ya kwa gae mo Seemeng sa 5. (Tobetsa go bona tshedimoseso e nngwe.)
KHALENDARA YA DITIRAGALO |